Romans 6

Re filwe botshelo jo bosha ka Keresete

1Jalo he, a re tlaa nna re tswelela re dira dibe gore Modimo o tle o nne o re kaele tshiamo le boitshwarelo.

2
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Baroma 6:3.
3
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Baroma 6:2-3.
Nnyaa ga go a nna jalo! A re tshwanetse go nna re dira dibe fa re sa tshwanela? Gonne nonofo ya sebe e e neng e re imelela e robilwe fa re nna Bakeresete ra bo ra kolobediwa go nna tokololo ya ga Keresete; ka loso lwa gagwe.

4Nonofo ya tlholego ya lona e kgologolo e e ratang go leofa e tsentswe le ene mo phupung ka kolobetso fa a a swa, mme erile fa Modimo Rara, ka nonofo e e galalelang o mo rudisa, lo ne lwa neelwa botshelo jwa gagwe jo bontle jo bosha go itumela ka jone.

5Gonne lo fetogile tokololo ya gagwe, jalo he lo sule nae, go bua jalo ke raya ka nako e a neng a a swa ka yone; mme jaanong lo na le seabe mo botshelong jwa gagwe jo bosha mme lo tlaa tsoga fela jaaka a ne a tsoga. 6Dikeletso tsa lona tse di bosula tsa bogologolo di ne tsa kokotelwa mo mokgorong nae, tokololo eo ya lona e e ratang go leofa e ne ya ripitliwa ya ba ya ntshiwa dintho mo go bolayang, gore mmele wa gago o o ratang go leofa o seka wa tlhola o nna ka fa tlase ga taolo ya sebe, o sa tlhole o tlhoka go nna motlhanka wa boleo; 7gonne fa o sa tlhole o dira sebe o golotswe mo thaelong ya sone le nonofo ya sone go go laola.

8Mme ka tlholego ya lona e kgologolo ya go rata boleo e “sule” le Keresete, re itse gore lo tlaa nna le seabe mo botshelong jwa gagwe jo bosha. 9Keresete o tsogile mo baswing mme ga a kitla a tlhola a a swa gape. Loso ga lo sa tlhole lo na le nonofo mo go ene. 10O swetse ruri gangwe fela go fedisa nonofo ya sebe, mme jaanong o tshela ka metlha yotlhe mo botsalanong go ya bosakhutleng. 11Jalo he, tsaya tlholego ya gago e kgologolo ya sebe jaaka e ka bo e sule e sa tsaalane molelo le sebe, mme mo boemong jwa go utlwana le sebe tshelela Modimo, o tlhomame mo go one, ka Jesu Keresete Morena wa rona.

12Se tlhole o letlelela sebe go laola mmele wa gago o o kgobaletseng; se ineele mo dithatong tsa one tse di leofang. 13Se letleleleng tokololo epe ya mebele ya lona go nna didirisiwa tsa boleo, go dirisiwa mo go direng boleo; mme ineeleng gotlhelele mo Modimong, tokololo nngwe le nngwe ya lona, gonne lo tswa mo losong mme lo batla go nna didirisiwa tsa Modimo, go dirisiwa mo megopolong ya one e e siameng. 14Sebe ga se sa tlhole se tshwanetse go nna monnga lona, gonne jaanong ga lo sa tlhole lo golegeletswe mo molaong mo sebe se lo dirang makgoba teng, mme lo gololesegile ka fa tlase ga thato ya Modimo le kutlwelo-botlhoko ya one.

15A mo go raya gore re ka nna ra tswelela ra leofa mme ra seka ra tshwenyega ka ga gone? (Gonne poloko ya rona ga e ikaege mo go bolokeng molao; fa e se mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo). Nnyaa ga go a nna jalo!

16A ga o lemoge gore o ka itlhophela mong wa gago? O ka tlhopha sebe (le loso) kgotsa theetso (le kgololo). Yo o mo ineelang, o tlaa go tsaya a bo a nna mong wa gago mme o tlaa nna motlhanka wa gagwe. 17A go lebogwe Modimo ka gore le fa lo kile lwa itlhophela go nna batlhanka ba boleo; jaanong lo tshegeditse thuto e Modimo o e lo neileng ka pelo yotlhe ya lona. 18Mme jaanong lo gololesegile mo go mong wa lona yo mogologolo, (sebe); jaanong lo batlhanka ba mong wa lona yo mosha, ebong tshiamo.

19Ke bua jaana, ke dirisa sekai sa batlhanka le barena, gonne se motlhofo go tlhaloganngwa: fela jaaka lo kile lwa bo lo le batlhanka mo mefuteng yotlhe ya boleo, jaanong lo tshwanetse go itetlelela go nna batlhanka mo go gotlhe mo go siameng go bile go itshepile.

20Mo malatsing ale fa lo ne lo sa ntse lo le batlhanka ba boleo, lo ne lo sa tshwenyege ka tshiamo ya Modimo. 21Mme maduo e ne ya nna eng? Go bonala sentle gore ga e aka ya nna tshiamo, ka jaanong lo tlhabiwa ke ditlhong go akanya kaga dilo tse lo kileng lwa bo lo di dira, gonne tsotlhe di felela mo tatlhegong ya bosakhutleng.

22Mme jaanong lo gololesegile mo nonofong ya boleo lo batlhanka ba Modimo, mme thobo ya lona mo go one ke boitshepo le botshelo jo bo sa khutleng. 23Gonne maduo a boleo ke loso, mme neo ya Mo-dimo e e sa rekweng ke botshelo jo bosakhutleng ka Jesu Keresete Morena wa rona.
Copyright information for TsnLEF